text
stringlengths 0
40.2k
|
---|
"E rile batlhanka ba ga Dafite ba fitlha kwa go Abigaile kwa Karemele, ba bua nae ba re: “Dafite o re romile kwano go wena, go tla go go tsaya o ya go nna mosadi wa gagwe.”" |
"Palo ya dilo tse di bitswang merogo e telele ebile ga e akaretse bontlha bongwe jwa dimela:" |
"Moše a bitsa Jošua, a mo raya mo ponong ya Baiseraele botlhe, a re: “O nne thata le pelokgale, gonne o tlaa ya le tšhaba e mo lefatsheng le Jehofa o le ikanetseng borraabo, a re o tlaa le ba naya, o tlaa le ba ruisa." |
"Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa o tlhalosa gore Moporesitente o ikarabela mo Palamenteng." |
"Indaseteri ya tlhagiso ya dikuno mo Aforikaborwa , maphata a ditirelo ( tlhaeletsano , ditšhelete , indaseteri ya bojanala , tshireletsego , j.j. ) mmogo le indaseteri ya kitso ( thuto e kgolwane , ditheo tsa dipatlisiso , j.j. ) e simolola go lemoga gore e direla mo tikologong ya thekenoloji e e lebelo tota le e e lepalepaneng le kgaisano . " |
"Ke gone ka moo tatlhego ya gagwe e tlaa tlang ka tshoganetso; o tlaa tshoga ka a thubilwe fela, mme e tlaa bo e le mo go se nang kalafo." |
"Lenaneo le le tsweletse go tsenya tirisong ditlhabololo di le mmalwa mo togamaanong ya lona, go akaretsa go tlhagisiwa ga go thapa go ya ka didika ka 2012." |
"Botsamaisi jwa Pusetso bo na le dikarolo tse di latelang : Tshedimosetso ya Mokgwa wa Tsamaiso ya Matlotlo le Tekanyetso ya Tiro , Tuelo le Dithuso tse Dikgolo , Dipuisano le Dikamano Tsa Badiri le Bodiredipuso bo le Bongwe . " |
"Dipoelo tsa tshekatsheko ya pele ga loso , tlhatlhobo ya nama ya ntlha le tlhatlhobo ya nama ya bobedi di tshwanetse go kwalwa , mme fa malwetse a karolo le a a laolwang a a tshisinngwang mo Molaong wa Malwetse a Diphologolo , 1984 ( Molao No . 35 wa 1984 ) . a lemogiwa , moalafadiruiwa wa selegae wa naga o tshwanetse go itsisiwe mo letsatsing la tlhabo . " |
"Lenyibi lengwe le lengwe le na le felogae la lona mme le itshelela le le nosi go fitlha ka setlha sa tsadiso ka Sedimonthole." |
"Mmepe No. 21 wa Mametlelelo 2 mo Kitsisong 1998 ya 2005" |
"Go supiwa kgotsa go kopiwa gore a ke lekau le letelele kgotsa le lekhutswane fa e le gore ba babedi fela kgotsa a ke kgomo e kgolo kgotsa e ntsho kgotsa e khunou . " |
"Bao ba gobetseng Kabinete e ba lakaletsa pholo ya ka bonako." |
"Nomoro le taelo ya tshenyo di tshwanetse go kwalwa mo bolokong ya khutlonne . " |
"Temana ya ntlha ya pego e ya re; ‘Fa madi a ka nna teng, mogopolo wa go aga sekole kwa Boro…." |
"Ka lo beela sekao mo dilong tsotlhe, sa ka fa lo tshwanetseng go thusa ba ba bokoa ka teng, ka go dira mo go ntseng jalo, le go gakologelwa mafoko a Morena Jesu, ka fa ene ka esi o buileng ka teng a re: ‘Ga aba go lesego bogolo go go amogela.’ ”" |
"Ga dirala fela ya re baletsi ba dinaka le baopedi ba ntse jaaka motho a le mongwe fela, ba dira gore go utlwale modumo o le mongwe fela mo go bakeng le mo go lebogeng Jehofa; ya re ba tsholetsa lentswe la bone ka dinaka, le disemebala, le dilo tsa kopelo, ba baka Jehofa, ba re: “Gonne o molemo; gonne boutlwelo botlhoko jwa gagwe bo eme ka bosakhutleng.” Foo ntlo ya tlala leru, e bong ntlo ya ga Jehofa." |
"E rile o le mo tlalelong wa bitsa, mme ka go golola; ka go araba mo felong ga boiphitlhelo ga tumo ya maru; ka go leka fa metsing a Meriba. Sela." |
"Fa kwa Molelwane wa Martins Drift, Mookamela Mapodise Thomas Samasasa o boletse fa ba kile ba tshwara diritibatsi tseo mo di koloing tsa batho." |
"Lefapha la Ditlhaeletsano ka Tsa Kgwebo le Go Maketa le tsenya leano leno tirisong go dira gore YBB e bonale sentle gore ke ya bopuontsi ka go kwala seno mo disaeneng tsa yunibesiti." |
"Se se tlhola ditšhono tsa ntshodikumo gammogo le maemo a kgwebisano ya kgaolo le ya boditšhaba le boleng bo bo oketsegileng mo teng ga Mmasepala wa Maluti-A-Phofung." |
"Ba tsena mo go ene, jaaka go tle go tsenwe kwa mosading wa seaka; ba tsena jalo kwa go Ohola le kwa go Oholiba, basadi ba ditlhodi." |
"Gantsi molefatsheng la Botswana merogo e jewa ka tamati, ditapole, anyansi le di carrots. Se di dira gore morogo o tiye dikotla tse di tlhokegang mo mmeleng wa motho gape maungo aa natetsha morogo thata. Merogo e tlhokana le thokomelo ee namatsang fa motho a e jadile, gonne merogo ke ngwe ya dimela tse di tshabelelwang ke go bola ka bonako, fa godimo ga moo e thokana le thokomelo e ntsi kgathanong le ditshidinyana tse di jang merogo gore di seka tsa senya morogo." |
"Setlamo sa bosetšhaba sa oli, PetroSA le setlamo sa ditlhotlhomiso tsa jeoloji sa Federeišene ya Russia, Rosgeo, di dumalane go tlhoma mafelo a ditlhotlhomiso a diboloko 9 le 11a kwa Lebopong la Borwa la Aforika Borwa." |
"Le fa go le jalo, dintlha tse di tlhagisitsweng ke Setlamo sa Dielo sa Fitch, puso e tla tsepamisitse megopo mo go tsone mo maemong a a kwa godimodimo." |
"Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 2 DBE/Ngwanaitseele 2021 NSC DITAELO LE TSHEDIMOSETSO 1. Pampiri e, e arogantswe ka DIKAROLO di le THARO. KAROLO YA A: Tekatlhaloganyo (30) KAROLO YA B: Tshobokanyo (10) KAROLO YA C: Tiriso ya puo (30) 2. Buisa ditaelo TSOTLHE ka kelotlhoko. 3. Araba dipotso TSOTLHE. 4. Simolola KAROLO NNGWE le NNGWE mo tsebeng e NTŠHWA. 5. Thala mola morago ga KAROLO NNGWE le NNGWE. 6. Nomora karabo NNGWE le NNGWE jaaka potso e nomorilwe. 7. Tlola mola morago ga karabo NNGWE le NNGWE. 8. Tlhokomela mopeleto le popego ya dipolelo. 9. Kabo ya nako e e tshikinngwang: KAROLO YA A: Metsotso e le 50 KAROLO YA B: Metsotso e le 30 KAROLO YA C: Metsotso e le 40 10. Kwala ka mokwalo o o buisegang le ka mopeleto o o kannweng ke Lekgotla la Bosetšhaba la Puo ya Setswana. Kwalololo e ileditswe Phetla" |
"Ya re lobaka loo ba bo ba na le mogolegwi yo o tumileng, go twe, Barabase." |
"Tlhogo ya gagwe ya bo e le tshweu le moriri wa gagwe, jaaka boboa jo bosweu, go le gosweu jaaka kapoko; matlho a gagwe a bo a ntse jaaka kgabo ya molelo;" |
"Kabinete e amogetse go thankgololwa semmuso ke Moporesitente Cyril Ramaphosa,ga Leano la Tiragatso ya Kabo ya Ditirelo le le Ikaegileng ka Ditikologo mo Masepaleng wa Tikologo wa OR Tambo, kwa Kapa Botlhaba." |
"GHCS e tla dira bonnete jwa gore naga ya Aforika Borwa e nna yona e e gogang kwa pele tlhagiso le thekiso ya leokwane la gase le le sa kgotlheleng tikologo." |
"10maAfrika Borwa a nnang kwa moseja a tlile go vouta ka moso.Maloko a mokgatlo wa baagi Sanco a tlile go gwantela kwa dikantorong tsa Eskom le meyara Herman Mashaba kwa Jhb gompieno." |
"E re kgang e sa ntse e ile magoletsa jalo, ka tsosa tlhogo ka nwa pilisi ya ntlha, fa ke re ke baya tlhogo, lentswe la utlwala kgakajana." |
"Koketsego ya tiro ya go fetolela e tla batla itlhaganediso ya tlhabololo ya mareo mo dipuong tsa semmuso le ya Sefalana sa Mareo sa bosetšhaba se se fitlhelelwang ke badiri ka puo ba mmuso le ba nakwana . " |
"Go tshwanetse gore go tlhamiwa molao wa bosetšhaba go diragatsa ditshwanelo" |
"“Re mo utlwile a re: ‘Ke tlaa senya tempele e, e e dirilweng ka diatla, mme e tlaa re ka malatsi a le mararo ke be ke age e sele, e e sa dirwang ka diatla.’ ”" |
"Gantsi bo mme ga ba nke ba tsala ba lebeletswe ke batho." |
"Buisa mafoko , , mme o reetse medumo . " |
"Tlogela go bogisa le go sotlaka bana / Go sotla bana ga go a dumelelwa . " |
"P: Ke diipato dife tse gantsi di dirisiwang tsa go kôpisa segolobogolo fa motho a kôpisa tiro ya gagwe ka namana?" |
"Baithuti ba tla reetsa ka matlhagatlhaga mefuta e e farologaneng e bile e aname ya ditlhangwa tsa molomo , ba di sobokanye , ba di kwale / rekote ba bo ba di tsibogele ba le tsebentlha . " |
"Fa tokololo ya setšhaba e e kopileng tshedimosetso ka ga dibasari e ka abelwa tshedimosetso eo morago ga letlha la bofelo la go ikwadisetsa ngwaga o o rileng wa dithuto , maikaelelo a go aba tshedimosetso ya go nna jalo a tla be a foloditse tota . " |
"Ka mpherefere, sanyane " |
"E rile Jesu a sena go ba a tshelela kwa moseja o mongwe ka mokoro, bontsi jo bogolo jwa batho jwa phuthegela kwa go ene, a le fa lewatleng." |
"Kwa bofelong Sekwati o ne a kgabaganya Noka ya Olifants gape mme a tlhoma mošate wa gagwe kwa Phiring." |
"Setswana Puo ya Gae (HL)/P2 9 DBE/2022 SC/NSC POTSO 3: DIPOTSO TSE DIKHUTSHWANE Buisa leboko le le latelang, mme o arabe dipotso. MENOMASWEU POLAYA E TSHEGA – OH Khunou 1 Nna tota fa go ka twe ke tsee tšhaka ke bolae, 2 Ke bolae selo se ke se tlhoileng, 3 Nka tsholetsa mogatla ka etsa tshwenyana, 4 Ka fofa ka etsa leebarope, 5 Ka dumaduma ka etsa tau. 6 Dikgosi tsa gaetsho ntetleleleng ke a kopa, 7 Ke fetseng ka tshetlhana e ya Bataung, 8 E nketse ka dinakana metsing, 9 Ke menomasweu e bolaya a tshega, 10 Se forweng ke menomasweu ao. 11 Ga se meno ke marumo, 12 A a tlhaba a a segaka, 13 Bogale ba ona bo tshwana fela le digai tsa Matebele, 14 Bonnaka se itlhokiseng ditsebe nkutlweng. 15 Bonang matšhwititšhwiti ale a batho, 16 Ga se batho ke tlang lo bone, 17 Ba apere mmala wa nkopane, 18 Ba ya go fitlha ntsalake. 19 O meditswe ke noga ya Bataung, 20 Menomasweu polaya ditšhaba, 21 A ka go tlhaletsa a go etsa lesea, 22 Bagaetsho siang le sie sera seo. 3.1 Kgankgolo ya leboko le ke efe? (2) 3.2 Faa sekapuo se se dirisitsweng mo moleng 11 le mosola wa sona. (2) 3.3 Tlhalosa mola 17 jaaka o dirisitswe mo lebokong. (2) 3.4 Naya ponagalo ya poko e e mo moleng wa 22 le mosola wa yona. (2) 3.5 O ithutile eng go tswa mo lebokong le? (2) [10] Kwalololo e ileditswe Phetla" |
"Batlhanka ba ga Isake ba epa sediba mo mokgatšheng, ba phunya motswedi wa metsi a a elang gone." |
"Madirelo a a dirang go tswa kwa Isithebe a na le seabe se segolo mo ikonoming ya lefelo leo, ka go tlamela ka ditiro di feta 20 000." |
"Sesupo sa ditumalano morago ga pitso ke metsotso . " |
"Dinonyane di _________ ditlhare tsa me mme di _________ mamphorwana a tsona dintlhaga mo go tsona . " |
"Kopo ya gago mo ntlheng e ka gatelelwa ke kgotlatshekelo , mme fa go le maleba ; o tla letlwa go isa kopo e e jalo kwa kgotlatshekelo . " |
"E re lenatetshapuo le re, go bipa mpa ka mabele, seane sone se re, seboba ke bata sa mokwatla sa mpa ke a mpampetsa." |
"Buisana ka ga tatelano ya dikakanyo . " |
"Go dirisa thekenoloji ya tshedimosetso go tokafatsa tlamelo ya ditirelo . " |
"Ba ba badilweng mo go bone ka fa palong ya lonna lotlhe, go simolola ka ba ba kgwedi e nngwe fela go ya kwa go bomogoloa bone, e bong bone ba ba badilweng mo go bone, e ne e le 7 500." |
"O neela ntlha e e batlegang o be o e tlamele ka dikao ( fa go twe o tlamele ka dikao ) kgotsa ka mabaka a gago ( fa go twe o tlamele ka mabaka a gago ) . " |
"Tona ya Thuto o tla tlhalosa puisano ya setšhaba ka dintlha tse mo bekeng e e tlang . " |
"Fa a ntse a le kwa Bookelong ba Baragwanath, Winnie o ne a abelana borobalo le Adelaide Tshukudu kwa go hosetele nngwe ya bookelo jwa badiri." |
"Ya molomo , sekao : puo . " |
"Fa ntlha eno e sena go amogelwa gore e ka nna karolo ya melao ya rona, naga ya Aforika Borwa e tla tshwanelwa ke gore gangwe le gape morago ga dingwaga di le pedi e begele UN gore yona e diragatsa jang tumelano eno." |
"Baamogeladitshiamelo ba ba eletsang go nna le seabe mo kagong ya matlo a bona ka go dirisa Lenaane la bonno la batho ga go tlhokege gore ba ntshe madi . " |
"Setswana Puo ya Gae (HL)/P2 5 DBE/Ngwanaitseele 2017 NSC – Memorantamo KAROLO YA B: PADI/DITLHANGWA TSA SETSO PADI POTSO 6 (POTSO YA TLHAMO) ELA TLHOKO: Mo tlhamong ya motlhatlhojwa go tshwanetse ga akarediwa dintlha tse di fa tlase. Go tlaa dirisiwa ruboriki ya maduo a a kana ka 25 go tshwaya tiro ya motlhatlhojwa. LEBA SEIPONE – Kabelo Kgatea • Kgang e e reng ngwana o godisiwa ke setšhaba ke boammaaruri gonne fa re tla mo go Motswagauteng o godisitswe ka go tlhakanelwa ke mabogo a a farologaneng. • Go nnile jalo ka kgodiso ya ga Motswagauteng, go kaya gore ga a godisiwa ke batsadi ba gagwe fela, o godisitswe ke setšhaba, ditsala le batho fela ba a nnileng le kamano le bona, gonne ba mo agile go fitlha e nna monnatia le motho-setšhabeng. • Motswagauteng o romelwa kwa Motsitlane ke mmaagwe, Gokatweng, kwa a gorogelang mo diatleng tsa monnamogolo Puso le mosadimogolo Ijelele, ba ba mo godisang sentle. • Monnamogolo Puso o godisa Motswagauteng sentle, a mo ruta botshelo ba leruo, a mo apeela kgatsele le motlhaolosa, a mo ruta go lepa dinaledi, le maungo le digwere tsa naga, a bo a mo tshwaela leruo. • O ne a sala sentle le Motswagauteng fa nkokoagwe, Ijelele a ile makgoeng. • Morago ga loso lwa ga Puso, mosadimogolo Ijelele o tlogela tiro go tlhokomela Motswagauteng le go mo ruta gore batho ba ba ipolaileng ga ba tsene ka kgoro ya legodimo, ka jalo mewa ya bona ke yona e kailakailang jaaka dipoko. • Nkokoagwe o mo ruta thuto ya seipone gore fa a ikobonya le go inyatsa a itebe mo seiponeng, a bue le motho yo a mmonang mo go sona, a mo rate, a mo tlotle, a mo tshepe gonne go se motho ope yo o mosola go feta ena mo botshelong jwa gagwe. • Motswagauteng o gola le tsala ya gagwe, Pule yo o mo emang nokeng le go mo thusa ka dinako tsotlhe, fa Moleko le Teko ba mo kgoba ka mafoko ka ntlha ya tshobotsi ya gagwe. • Kabo o nna le seabe mo kgolong ya ga Motswaguteng morago ga go ngwega kwa Motsitlane, e nna ditsala gape o mo ruta kgwebo ya go kgorometsa dikolotsana go thusa batho ka dithoto tsa bona. Motswagauteng o feleletsa a itheketse kolotsana ya gagwe ka thuso le kemonokeng ya ga Kabo. • Salamina le Alberto ba nna le seabe mo kgodisong ya ga Motswagauteng fa a sena go goroga kwa Gauteng, ba mo fa dijo le boroko le go mo alafa fa a ne a tlhasetswe ke mokgotlhwana, a gotlhola thata. • Kwa Rodipoto, Motswagauteng o gorogela mo lekokong la Tsapitsapi le le nnang le seabe mo go mo direng leloko la lona. Moeteledipele wa Tsapitsapi, Sepoko, o ruta Motswagauteng magokonyane otlhe a botshelo jwa mo mmileng. • Sepoko o nna le seabe mo go Motswagauteng ka go mo tlhotlheletsa go ikwadisetsa go tsena sekolo sa maitseboa, mme fa ngwaga o fela moeka o kgona go falola lokwalo lwa borobedi ka dinaledi. • Kwa Keriisetoropo, Motswagauteng o kopana le mosadimogolo Kobbie, yo o mo lemogang fa e le ngwana wa ga Gokatweng, mme o mo naya kgodiso e e maleba le go boela le ena kwa Foreiborogo. • Kwa Foreiborogo, Kobbie o tseela Motswagauteng pasa ka sefane sa gagwe le go mo kwadisa kwa sekolong se segolo sa Foreiborogo, go senola gore ruri, ngwana sejo, o a tlhakanelwa. [25] Kwalololo e ileditswe Phetla" |
"A re ageleleng mo dikganyeng tse dikgolo tseno tse di rotloetsang mme re tswelele go dira mmogo gore re dire ka tolamo se se matshwanedi, jaaka go katogana, go apara dimaseke fa re le fa gare ga batho, le go tlhapa diatla ka metsi a sesepa kgotsa go di tlotsa ka sebolayamegare se se nang le alekhohole." |
"Ga dirala ya re ka moso Moše a ya mo mogopeng wa tshupo, a fitlhela thobane ya ga Arone ya ntlo ya ga Lefi e kukuntse, e thuntse ka dithunya, e bile e ungwile dithamane tse di buduleng." |
"A re borukutlhi jo bongwe ke jwa go kgweetsa motho a sena setlankana." |
"Komiti ya Ditona ka ga GBVF e e eteletsweng pele ke Tona ya Lefapheng la Basadi, Bana leBatho ba ba Tshelang ka Bogole mo Kantorong ya Moporesidente, Mme Maite Nkoan-Mashabane, le tswelela go tsamaisa ditiro tsa ka gale tsa mananeo a NSLetsatsi la Lefatshe la Aids – 1 Sedimonthole 2020." |
"Mokwadi o tshwanetse go tlhaloganya sentle se se solofelwang mo go ena e bile o tshwanetse go tlhagisa matlhakore a mabedi a ngangisano ka kitso e e tletseng . " |
"Ka kgwedi ya Ngwanatseele , makgotlana a botlhe a go tshwaela ka kharikhulamo a ne a tshwarwa . " |
"Batlhatlheledi ba fano go tataisa baithuti mme baithuti ba tshwanetse go ithuta go itirela , ka gonne kaedi ga e na sengwe le sengwe se wena jaaka moithuti o tshwanetseng go se itse . " |
"Lekala la naga la bojanala le lona le tla boelwa go le gontsi mo pakeng e. Ditiragalo tse di tlang." |
"Palale morwa Usai a mamatlelela bolebagana le tshokologo ya lorako, le kago e e godileng e e emeng e katogile ntlo ya godimo ya kgosi, e e fa lwapeng lwa balebedi. Morago ga eo Petaia morwa Paroše a mamatlelela." |
"Jaaka karolo ya maiteko a rona a go rotloetsa kgolo ya ikonomi , re dira ka natla go fokotsa ditshenyegelo tsa tlhaeletsano . " |
"Thotloetso ya Pholo . " |
"Matshosetsi a magolo mo kunong ya seelo se se nnye ke dibokwana tse di sediko le mphe." |
"Bala gore ke dibopego di le kae tse di tshwanang le e tse o ka di bonang mo setshwantshong . " |
"Ke ena a ragositseng puisano ka ga kgonego ya kgololo ya bagolegwa ba sepolotiki . " |
"Palo ya baithuti mo phaposing le nako e e leng teng go dirisiwa ke morutabana . " |
"Pegelo ya Ditshekatsheko tsa Kgatelopele mo Nageng mo Nakong ya Dingwaga di le Kabinete e neseditse pula kgang ya go gololwa ga Pegelo ya Ditshekatsheko tsa Kgatelopele mo Nageng mo Nakong ya Dingwaga di le 25 1994 – 2019." |
"Megala eno go solofetswe gore ka ngwaga wa 2021 go tla bo go feditswe go e epela." |
"A go lemotshega fa ene yare a lemoga gore o setse se atumetse thata, a leka go fapogela ka fa moleng wa letsogo la moja, mme ka maswabi a fitlhela dikoloi tse dingwe di setse di le gaufi, ya Toyota Hilux ele nngwe ya tsone." |
"Tirisanommogo ya Naga ya Aforika Borwa le ya Jeremane." |
"Kabinete e amogetse Operation Vulindlela, e leng yona e e tla tshegetsang go tsenngwatirisong ga Leano la Itharabologelo le Kagosešwa ya Ikonomi ka go potlakisa tsosoloso ya dikago tse di beilweng kwa setlhoeng." |
"Gore thuto e tlhabologe puso e tshwanetse go aba madi . " |
"Ditlhaloso tsa Bokgoni Ditlhaloso tsa Bokgoni tlhaloganya fela metheo ya dipopi le melawana ya tirisopuo fela a di dirisa sentle ka sewelo ; retelelwa ke go ranola , sekaseka , tlhatlhoba le go tlhalosa dipharologano fa gare ga bokao le tiriso ya mafoko le dipopego tsa mafoko tse di tlwaelegileng ; batla a retelelwa gotlhelele ke go dirisa dipopi tsa dipolelo ka nepagalo ka maitlhomo a tirisopuo ya ka gale ; bontsha go retelelwa go go feteletseng gwa tiriso ya puo le tlotlontswe . tlhaloganya fela metheo ya dipopi le melawana ya tirisopuo fela a di dirisa sentle ka sewelo ; retelelwa ke go ranola , sekaseka , tlhathoba le go tlhalosa bokao le tiriso ya mafoko le dipopego tsa mafoko ; retelelwa gotlhelele go dirisa dipopi tsa dipolelo ka maitlhomo a tiriso ya puo ka gale ; bontsha go retelelwa go go feteletseng gwa tiriso ya puo le tlotlontswe . " |
"“Fa lo re: ‘Ga re ketla re aga mo lefatsheng le,’ jalo lo gana go akela lentswe la ga Jehofa Modimo wa lona;" |
"Bokete jwa temo bo na le seabe mo mmiding. Mefuta ya go lema mo mafatsheng a itsholelo e e kotlase a ineetse mo go lemeng ka botona mo go feletsang go ntsha tsebe ele ngwe ka setlhotlha. " |
"Go mo thateng ya rona go thibela tswelelo ya go itlhokomolosa, tirisobotlhaswa, tirisodikgoka le tsholo e e makgwakwa ya bana." |
"Dipatlafalo tsa kamogelo tsa kakaretso tsa go ikwadisetsa dikirii ya Bed , tse di tlhalosiwang mo bukeng ya ngwaga di a dira . " |
"Biotechnology - dijalo tse di dipelang komelelo le malwetsi . " |
"Paka-tiro ya Boporesidente" |
"Bana ba mephato ya 1-3 ba taya ditlhangwa dibuka . " |
"Jaaka monnasetilo wa SADC, Aforika Borwa o ithaopile go nna moamogelabaeng wa Kopano ya Ditona ya Thekenoloji ya Ditlhaeletsano tsa Tshedimosetso (ICT) ya SADC go tloga ka la bo 4 go fitlha ka la bo 7 Lwetse 2017 go buisana ka ga tswelopele e e fitlheletsweng mo go tsenyeng tirisong Lenaane la SADC la Ditlhaeletsano le ICT." |
"Mo godimo ga seno, matlole a a okeditsweng a mphata a puso ka boraro jwa ona a tla thusa go fokotsa boima jo matlole ano bo bo rweleng, segolobogolo mo go mo mererong ya boitekanelo, ya thuto, mmogo le ya ditirelo tse di botlhokwa tse di abelwang setšhaba ntle le gore se di duelele." |
"E ka thusa gape go fodisa setlamatlama, go alafa syphilis, go emisa letshoroma le go thusa mo pelegong." |
"radisele ke motse mo kgaolong ya legare mo botswana motse fa tlase ga tsela kopanyang palapye le mahalapye ditoropo tse di kgaoganngwa ke dikilomethara di le masome matlhano ka ngwaga wa palo ya batho ne ele maitlamo tebelopele ya botswana ya vision banni ba motse wa radisele ba kgotlhaditswe go nna le seabe mo go tsweledisetseng pele tebelopele ya lefatshe la botswana ya vision se se builwe ke mopalamente wa palapye rre moiseraele goya yo neng le sebui sa tlotla kwa moletlong wa kabo dimpho oo neng dirilwe ke lekgotla la ditlhabololo tsa motse wa radisele ka labone rre goya re puso ya botswana dirile tebelopele ya lefatshe le mola wa go betla tsela ya go lwantshana le dikgwetho di tshwana lehuma leuba le go tlhabolola matshelo batho re mongwe le mongwe tlamega go nna senatla go ipelega le gone go nna le maikaelelo le boikanyego rre goya ne kgalela batho go nna le mowa wa go iketla ka le ne bolayang go itirela ka diatla ne gwetlha batho go bereka ba tiisitse go ntsha lefatshe la botswana kwa morago ka go tshwarwa ka natla re komiti ya ditlhabololo dirile sekao ka go supa lorato le tlhokomelo ya bana ba ba senang batsadi ka go ba abela dimpho ka gotwe go sego letsogo le le abang gona le le amogelang ke mosupi wa gore vdc ya radisele ne ya dira moletlo wa kabo dimpho le maiteko matona go fitlhelela vision rre goya re batswana ba tshwanetse go ipotsa gore seabe sa bone ke eng mo tebelopeleng ya lefatshe la botswana re ne ya re mo ngwageng oo fetileng palamente ya dumalana go fetisa molao wa bana itebagantseng le go tlhokomelwa ga bone ne leboga batsadi ba ba tlhokomelang bana go tswelela ka tiro ntle bantseng ba dira rre goya re re ntswa go na le batho ba ba sotlang ka bana ba masiela molao itebaganya le dikgang tse le gore go ka di dirwang go thusa bana ba ne tlatsa ka gore dilo tse di ka kgonwa fela fa batsadi le morafe ka karetso ba tshwaragane gore bana ba bone tlhokomelo lolameng re dingwe tsa dilo tse tautona lt gen seretse khama ian khama di tlhomamisang ke gore motswana mongwe le mongwe nne le seriti mme supa gape le ka ditiro go rurifatsa gore batswana ba tshela sentle modulasetilo wa komiti ya ditlhabolo tsa motse mme botsang balapi ne tlhalosa fa maikaelelo letsatsi le le go tshegetsa matshego vision bogolo jang letshego la setshaba se se se se tlhokomelang mme balapi re setlhogo sa letsatsi se se reng le rona re bana re tlhoka lorato se maleba ka jaana bana ba masiela ba tshwanetse go tlhokomelwa le go fiwa lorato fela jaaka ngwana mongwe le mongwe re batho bangwe ba sotla bana ba masiela mo go utlwisang botlhoko fa bangwe bone ba ba ntsha banna le basadi ba bone balapi re ba itlamile ba le vdc gore ba tlile go dira ka natla go rurifatsa gore bana ba ba isiwa sekolong le tlhokomelo ya bone ke ya maemo ntlha kgadile batsadi ba ba tsayang dithuso tsa bana ba masiela ba bo ba di itirisetsa supa fa le go tlhoka lorato le motlhokomedi wa bana bao rre osupang maruswaneng re batsadi ba lese go isa bana kwa masimong le kwa merakeng fa ba tshwanetse gore ba ka bo ba le kwa sekolong kgotlhaditse batsadi go lesa go raya bana maina aa utlwisang botlhoko le go ba kgoba ka dipuo ka di isa seriti sa bone kwa tlase rre maruswaneng re itlamile go tlhokomela bana bao go fitlhela ba gola ba bo ba ba iperekela rre goya ne abela vdc go rotloetsa moletlo oo dikgoge tse dingwe botswana mahalapye dipadi tse dingwe" |
"“Rraago o ne a dira jokwe ya rona ya nna botlhoko; mme jaana wena, tlhofofatsa tirelo e e botlhoko ya ga rraago, le jokwe e e bokete e o ne a e baya mo go rona, mme re tlaa go direla.”" |
"Fa Mowa wa one o o tsositseng Jesu mo baswing, o agile mo go lona, one o o tsositseng Keresete Jesu mo baswing, o tlaa rudisa le yone mebele ya lona e e nang le go swa, ka Mowa wa one o o agileng mo go lona." |
"Ya o bolele mafoko a kwa ntlheng ya botsheka, o re: ‘Boa wena Iseraele wa motenegi,’ go bua Jehofa. ‘Ga nketla ke lo leba ka bogale, gonne ke kutlwelobotlhoko,’ go bua Jehofa, ‘ga nketla ke tshegetsa bogale ka bosakhutleng.’" |
"a tla kwa go nna; mme ya re a eme fa go nna, a nthaya a re: ‘Mokaulengwe Saule, foufologa.’ Mme ka mo leba fela ka matlho ka lone lobaka loo." |
"Mme a ba raya a re: “E rile ke lo roma jale, lo se na patana ya madi, le fa e le kuana, le fa e le ditlhako, a lo ile lwa tlhoka sengwe?” Ba re: “Nnyaa.”" |
"Mo dingwageng tse di fagare ga 2007, go ne ga tlhatlhoga mathata ka dikago tsa lebala la motshameko le, mathata e le morwalo o feteletseng se sene sa tlama gore go fudusiwe didirisiwa tsotlhe. Go nnile le dikakgelo tse dintsi thata go tsweng makgotlha a mangwe ka phudogo ya di dirisiwa ka ntlha ya mabotana a thubegang a dikaganyetseng tsa mabala a metshameko le a di ofisi. Mathata a mangwe e ne le gore lebala la metshameko le tla tshwanelwa ke go duelelwa madi a kana ka di dikadike tse tlhano go tiisa mmu, se e le ka ntlha ya gore mmu wa teng ga go a siamela dikago. Le fa gontse jalo, meono e e neng e dirilwe e ne ya emisiwa ka ntlha ya madi a mantsi a akanyeditsweng a ka nna selekanyo sa di dikadike tse masome mabedi a neng a a ka dirisetswang phudugo." |
Subsets and Splits