text
stringlengths
0
40.2k
"Yo o sepelang mo tshiamong ya gagwe o boifa Jehofa, mme yo o logwadi mo tseleng tsa gagwe o a mo nyatsa."
"Maitseboa botlhe ba ya go ja merogo e ba yang ka yona kwa gae . "
"Thala mola o o golaganyang polelo e e mo kholomong e e botala jwa legodimo le polelo e e mo kholomong e e setlha . "
"Matsopa a farologana ka tsibogo go tlhotlholetso ya thele."
"Ditshwetso tse di Botlhokwa Togamaano ya Naga ya Bokgoni jwa Didirisiwa tsa Dijithale le tsa Isagong."
"Ditshwetso tsa Kabinete."
"Mme a phutha dikgosana tsotlhe tsa Iseraele di na le baperesiti le Balefi."
"“Ba gotetse botlhe jaaka pesetso, mme ba suputsa baatlhodi ba bone, dikgosi tsa bone di ole tsotlhe; ga go na ope mo go bone yo o mpitsang."
"Gang fela fa Molaotlhomo ono o saenelwa go nna mola, o tla phimola ka gotlhe Molao wa Thopo ya Dithoto ke Puso wa 1975 (Molao wa bo 63 wa 1975)."
"Morutabana a ka tlhopha go tshwaya ditiro tse di sa tlhomamang tsa barutwana gore a kgone go neela barutwana pegelo ka ga tiro ya bona . "
"Tlhamo ya dikwalo Ditlhamo tse , di tlhagisa tsibogo ya mokwadi mo setllhangweng se se ranolegang , se se atlholang , se se akantshisang , le mo mabakeng a a totileng mokwadi . "
"Fa a sena go hupa, o ne a supa fa e le boammaaruri mashi a kamela a le monate."
"00000300 A o kile wa ratana le molekane o a sa ntsheng bodutu ka sepe, lene la felela kae..."
"Ditshwanelo tsa sepolotiki : O ka tshegetsa mokgatlho wa sepolotiki wa boitlhophelo jwa gago . "
"Ela tlhoko gape gore boikaelelo-bogolo jwa mmojulu ono ke go ruta bana ka go ba bolelela dikarabo , jaaka go ne ga dirwa ka motheo wa kgopolo ya diteng tse go ithutwang tsone mo dimmojulung tse dingwe mo ngwagweng wa gago wa ntlha ( cf EDCC 121 ) le mo simesetareng ya ntlha ya ngwaga wa gago wa bobedi ( cf EDCC 212 ) . "
"Ba nkatlhamoloseditse melomo; ba ntiteile lesama ka kgobo, ba nkgobokanetse go tlhabana le nna."
"Ela tlhoko gore mo polelong leina le lengwe le le lengwe le ka tlhaolwa ka letlhaodi kgotsa ka thuo kgotsa le ka dirisiwa le leemedi kgotsa leemedi le ka le tseela lefelo . "
-6
"A re: “Ya le nna o bone tlhoafalo ya me ka ga Jehofa.” Jalo ba mo palamisa mo kareng ya gagwe."
"Jaana e rile Jesu a tsalelwa mo Bethelehema wa Jutea, mo metlheng ya kgosi Herote, bonang, banna ba ba botlhale ba ba tswang botlhabatsatsi ba fitlha mo Jerusalema ba re:"
"Gonne rotlhe re amogetse se se tswang botlalong jwa gagwe, le tshegofatso mo godimo ga tshegofatso."
"Puso e amogetse ditshitshinyo di le mmalwa tse di tlhagisitsweng ke ditlhpha le bannaleseabe ba ba farologaneng."
"Sekao se go bontsha gore o dire se jang . "
"Shaule a swa, mme Baale-hanane morwa Akebore a busa mo boemong jwa gagwe."
"Babogedi / babuisi ba a tshega fa mongwe a kgobiwa kgotsa makoa a gagwe a senolwa . "
"Diphologolo tse dinnye di fokafokisa manaka a tsona mo moweng . "
"Ga go diforomo tse di tladiwang . "
"Go dira batho gore ba nne mo ditekeletsong tsa bongaka ntle le tetla ya bona e e sedimoseditsweng . "
"Se se batliwan mo barutabaneng ke gore e nne batho ba ba ikanyegang ba ba kgaratlhelang go tokafatsa tiro ya bone ka go dirisa tsela ya go akanya ka kelotlhoko le ya go tlhama dilo . "
"(iiI) Moatlhodimogolo, o nna Moporesidente ya Kgotlatshekelokgolo ya"
"Bagolo ba ka buya ka sebete le kgololesego, ba bereke mo sechabeng le ka bo bone go dira se se tlhokagalang."
"O nnile le malatsi a boikhutso a a monate le nkokoaagwe kwa a neng a disa diphologolo teng . "
"Ke simolotse sekolo fa ke le dingwaga di le supa . "
"Le ba ba se bonyeng ba ba bolelela ka fa yo o neng a tsenywe ke mowa o o maswe o fodisitsweng ka gone."
"Kgatelopele kgato ka kgato ya bokgoni jwa puo ya molomo e simolola fano . "
"Fa le phirima, motshegare o fete mme go tsene bosigo."
"Se se supa gore o na le tlotlo , o tlotla monna wa gagwe . "
"Semumu se sekhutshwane - semumu ga se sekhutshwane . "
"A boela kwa go Juta a re: “Ga ke a ka ka mo fitlhela; le bone banna ba felo foo ba re: ‘Ga go ise go ke go nne seaka mono.’ ”"
"Dikai tse tharo tse dikgolo tsa boset ( haba tse go mekamekanweng le tsona mo bukaneng e di emela temokerasi e ntsha e le go emisetsa dikai tsotlhe tsa pele tse di lekanang . "
"Pilato a ba fetola a re: “A lo rata ka lo gololela Kgosi ya Bajuta?”"
"A dira le megopo e le some, e le metlhano a e baya ka fa ntlheng ya le legolo, le e le metlhano ka fa ntlheng ya la molema, go tla go tlhatswetsa mo go yone; dilo tse e leng tsa ditshupelo tse di fisiwang ba ne ba tle ba di tlhatswetse mo go yone; lewatle lone e le le baperesiti ba tlhapelang mo go lone."
"‘Utlwa lefoko la ga Jehofa, wena kgosi ya Juta, yo o dutseng mo setulong sa ga Dafite sa bogosi, wena, le batlhanka ba gago, le batho ba gago ba ba tsenang ka dikgoro tse."
"mochudi ke mengwe ya metse metona mo botswana ka palo ya batho ba ka nna makgolokgolo le masome mane mo kgaolong ya kgotla kgolo ya bakgatla mo kgaolong ya kgatleng ka nna mo bokone botlaba jwa gaborone motse ga kgakala thata le tsela ya gaborone francistown gape wa bonala fa motho tsenela mo motsaneng wa pilane mochudi ne nniwa ke batswana ka ngwaga bojanala mafelo bojanala itsegeng mo mochudi ke la phuthadikabo museum kwa godimo ga tlhaba le le nang le metako ya mafoko le dinepe tse di amanang le motse wa mochudi gape le ditso tsa bakgatla le agetswe mo ntlong neng le sekolo sa ntla sa mochudi jaaka go supagala kwa ntle go bapa go nale koloi ya ntla go nna ya motswana gape le dikgato tse tlhamane reng ke tsa ga matsieng mogaka gape le modimo wa batswana yo ileng etelela batho le diphologolo tsa gagwe go tsweng mo bogareng jwa lefatshe go ya go nna mo lefatsheng mochudi itsege ka mantlo setswana takilweng gape nale kgotla ya setswana bokopano jwa motse kitso tseneletseng ka bakgatla ke bonwa mo bukeng ya david suggs ethnography entitled bagful of locusts and the baboon woman constructions of gender change and continuity in botswana bolwetse jwa mohikela le mangwe kwa mochudi batswana ba kopilwe go tsenelela mokento wa mhikela wa ah go itshireletsa kopo dirilwe ke mooki mrs belinah radikgomo mo diphuthegong tsa kgotlana tsa tshukudu le rantsipe kwa mochudi bosheng mme radikgomo boletse fa letsholo la mokento simolotseng go fiwa ka mosupologo tla fiwa bana ba ba dikgwedi tse thataro bomme ba ba itsholofetseng balwetse ba sukiri balwetse ba madi matona ba ba lwalang bolwetse jwa hiv aids baoki le ba ba tsenang ka melelwane yotlhe ya botswana re batho ba bangwe ba tlaa kentelwa mhikela morago re go tla kentelwa batho bangwe pele go lebilwe gore ke bone ba ka tsenwang ke mhikela oo mothofo boletse fa mhikela oo bonwe la ntlha kwa mexico are mo botswana ne setse tsene batho ba le masome mararo le boraro mme ka lesego go sena yoo bolailweng ke mhikela oo mme radikgomo re bomaitseanape ba ne ba dira ditshekatsheko tsa gore ba ka fedisa bolwetse jo jang mme ba ne ba dira molemo go sireletsa batho gore fa mhikela oo go tsena seka wa nna bogale boletse fa bagolo le bana ba tlaa kentelwa mhikela mo dibekeng tse nne mme ba bangwe ba tlaa kentiwa morago ga moo re ba ikaeletse go kenta mongwe le mongwe go tswa kwa melolwaneng ya lefatshe leno lotlhe tlhalosa fa baeng botlhe ba ba tsenang mono le bone ba tla kentiwa banni ba dikgotla tsa tshukudu le rantsepe ba ne ba amogela mokento oo wa itshireletso mme ba batla go itse gore badisa kwa merakeng le kwa masimong bone ba tlaa thusiwa jang gore ba kgone ba bone mokento oo wa itshireletso dikgoge tsa kwa ntle tsebe kgolo ya bojanala jwa botswana"
"O tlaa ja madila le dinotshe, motlhang o itseng go gana bosula, le go ipatlela se se molemo."
"KGAOLO 6: DIPOROFENSE"
-4
"A re: “A Modimo wa me o go nkiletse, gore ke se ka ka dira selo se; a ke tlaa nwa madi a banna ba, ba ba beileng botshelo jwa bone mo bothateng? Gonne ba a lerile ka go tsenya botshelo jwa bone mo bothateng.” Ke gone ka moo a gana go a nwa. Diganka tse tharo tseo tsa dira dilo tse."
"Ga twe ya re go mmona, ba itaya megolokwane."
"Lenaka le legolo le re bontsha gore ke ________________ . "
"Dikarolo tseno tse di kwalolotsweng sešwa di tla netefatsa gore mo rejisetareng eno go tsenngwa le batlodi ba molao bao ba dirileng ditlolo tse dingwe le tse dingwe tsa molao tsa thobalano, ka ntlha ya gore ga jaanong rejisetara eno e tlhagisa fela bao ba bonweng molato mme ba latlhelwa kwa kgolegelong mabapi le go betelela bana kgotsa batho ba ba sa itekanelang mo tlhaloganyong.5 Kabinete e rometse matshediso a yona a kutlobotlhoko kwa malapeng le ditsaleng tsa Uyinene Mrwetyana, Leighandre Jegels, Nolunde Vumsindo, Meghan Cremer, Jess Hess, Ayakha Jiyane mmogo le bokgaitsedi ba gagwe ba bararo mmogo le basadi le bana botlhe ba ba bolailweng setlhogo ke banna.6 Kabinete e ne ya golola nakwana Ditona gore di se tshware kopano ya Kabinete ya setlwaedi gore e ye go buisana le badiraditshupetso ba ba neng ba bolotse mogwanto kwa Palamenteng kgatlhanong le GBV.7 Kabinete e tlhomile gape le Komiti ya Ditona tsa ka fa Nageng e e tla dirisanang le baagi go fedisa GBKomiti eno e tsenyeletsa Tona mo Kantorong ya Moporesitente, Rre Jackson Mthembu Tona ya Sepodisi, Rre Bheki Cele Tona ya Dikamano le Tirisano ya Boditšhaba (DIRCO), Ngaka Naledi Pandor Tona ya Manno a Batho, Metsi le Kgeleloleswe, Mme Lindiwe Sisulu Tona ya Merero ya Sesole le ya Bagale ba Sesole, Mme Nosiviwe Mapisa-Nqakula Tona ya Ditirelo tsa Bosiamisi le tsa Kgopololo ya Batshwariwa, Rre Ronald Lamola Tona ya Setheo sa Tshireletso ya Puso (SS), Mme Ayanda Dlodlo, Tona ya Tlhabololo ya Loago, Mme Lindiwe Zulu mmogo le Tona mo Kantorong ya Moporesitente e e Samaganang le Merero ya Basadi, Bašwa le Batho ba ba Tshelang ka Bogolofadi, Mme Maite Nkoana-Mashabane."
"SETSWANA PUO YA GAE R-3 MOPHATO R SETSWANA PUO YA GAE DITLHOKEGO TSA KGWEDITHARO KGWEDITHARO 3 TSHIMOLOLO YA GO KWALA DITENG /DIKGOPOLO / DIKGONO Tshimololo ya mokwalo: Ditirwana tsa letsatsi le letsatsi mo dirutweng tsotlhe tsa Puo le mo dirutweng tse dingwe. Ditirwana tsa botsweretshi le tsa mosako wa mmino ke ditšhono tse di siametseng go tlhabolola dikgono tsa motsamao wa mesifa e mennye. • Tlhabolola taolo ya motsamao wa mesifa e mennye go tiisa ya seatla: go bopa ditlhaka ka tege, go bofa dikarata, dibaga ka mogala. • Tlhabolola taolo ya motsamao wa mesifa e mennye ya menwana ka go tshameka diraeme tsa menwana tse dintsi o diragatse ka menwana. • Tlhabolola taolo ya motsamao wa mesifa e mennye: o dirise sekere go sega bokafantle jwa setshwantsho, sebopego jj. • Tlhabolola tsamaisano ya letsogo le leitlho le seatla: go tshameka motshameko wa go latlhela le go kapa kgetsana ya dinawa, kgwele, dibolo tsa dipampiri jj. le go dira dipatorone tse di raraaneng a dirisa dikheraeyone. • Tlhabololo ya taolo ya mesifa e megolo: dira ka bobedi kgotsa ka nosi ba aga ditlhaka ka mebele ya bona go dira/bopa ditlhaka • Simolola go bopa ditlhaka: dirisa menwana go penta, maratšhe a a pentang, dikheraeyone tsa mafura le boto ya ditlhomelwa. • Gatisa bokafantle jwa ditshwantsho, dipatorone, le maina a bona mo ntlheng ya tshimologo le e go kwalelwang kwa go yona e e neetsweng mo ditlhakeng • Kopololela dipaterone mo botong ya ditlhomelwa mme mafoko le ditlhaka a kopololelwe mo pampiring • Tshwara dikheraeyone a dirisa mokgwa o o amogelesegang wa go e tsamaisa, a kwale a ntse ka mokgwa o o siametseng motho go ka kwala. Tshimololo ya go kwala • Thala setshwantsho go fetisa molaetsa ka maitemogelo a gago, dirisa se jaaka tshimololo ya go kwala. Ka thuso ya morutabana, tsenya lefoko kgotsa polelwana mo setshwantshong. • Go tlhaloganya gore go kwala le go tshwantsha go a farologana le go simolola go kopolola ditlhaka le dinomore mo tikologong ya phaposi mo dikwalong tse a lekang go di ikwalela: Dira jaaka e kete o a kwala o dirisa motswako wa ditlhaka tse di kopolotsweng le dipolelo tse dikhutshwane tse di potologang ka mokgwa o o sa tlwaelegang. • Diragatsa metshameko ya go kwala mo mabakeng a a farologaneng. Sekao, ‘kwala’ mananeo. • Simolola go ‘kwala’ o ela tlhoko ditumelano tsa dintlhatshupo: ‘kwala’ go tswa ka fa molemeng go ya ka fa mojeng, le go tswa kwa godimo go ya kwa tlase mo tsebeng. • Kopolola mokwalo go tswa mo tikologong fa o tshameka. Sekao: matshwao go tswa mo dipapatsong • Nna le seabe mo go neeleng dikakanyo tsa buka ya dikgang ya mo phaposing. • Dirisa didiriswa tsa go kwala ka go itshepa le ka tokologo: dikherayarone le diphensele. Go dira ka mafoko • Kgobokanya ditshwantsho tsa mafoko a a rumisanang (sk. ‘aga’, ‘ama’, ‘ana’) • Supa tlhaka kgotsa diphatlha mo magareng ga mafoko a a kwadilweng: maina a bona kgotsa mafoko a a tlwaelegileng kgotsa mo bukeng. • Tsaya karolo mo go kwaleng dipolelo tsa sekgemetšhana tsa dikwalo tsa mo phaposing: morutwana o biletsa morutabana gore a kwale • Dirisa mareo a a jaaka, ‘tshimologo, bogare, bofelo / bokhutlo, modumo, lefoko, tlhaka’ fa ba bua ka setlhangwa. 46 PEGELO YA PHOLISI YA KHARIKHULAMO LE TLHATLHOBO"
"Moruti Motlhagodi a re ba galaletsa Tautona Mokgweetsi Masisi gore a bo a tsibogetse kgang ya letlhoko la ditiro le go lemoga seabe sa dikereke tsa semoya."
"Mme a ba raya a re: “Ba bua jang fa ba re: ‘Keresete ke morwa Dafite?’"
"“Ke lo neile bophepa jwa meno mo metseng ya lona, le go tlhoka dijo mo mannong a otlhe a lona; le fa go ntse jalo ga lo a boela mo go nna.” Go bua Jehofa."
"Ba se na lorato lwa tlholego, e le ba ba sa itshwareleng, e le bapateletsi, ba se na boithibo, ba le bogale, e se barati ba molemo gope;"
"Mo temaneng e ya leboko mmoki o supa kutlobotlhoko e e tseneletseng le selelo sa masisapelo ka go tshwantsha mokgwa o dikeledi di neng di pumpunyega le go tshologa ka teng . "
"Go gatakela bagolegwi botlhe ba lefatshe,"
"Kgosi a re, malatsi ano, thupa mo baithuting, e tsaya phekelo e sele, e bile e gomagometsa go tshabisa bana sekole."
"Le tlamela gape ka ditlhokego tsa bona tsa katiso tsa tsamaiso ya matlole ka kakaretso . "
"le lesedi la lampa ga le ketla le tlhola le phatsima mo go wena gope; le lentswe la monyadi le la monyadwi, ga le ketla le tlhola le utlwala mo go wena gope; gonne babapatsi ba ba mo go wena e ne e le dikgosana tsa lefatshe; gonne merafe yotlhe e ne e tsiediwa ke boloi jwa gago."
"Nnete ke gore ke ene modulasetilo wa Setlhopha sa Thutiso sa Emmaus . "
"Ditshweetso tse di botlhokwa tsa Kabinete."
"Mo a setseng a tlhobogile a utlwa mongwe a kokota kwa mojako . "
"Tlhagisa dikgaisano tse di lekaneng tsa batabogi ba ba tlhagelelang . "
"Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P2 15 DBE/Ngwanaitseele 2017 NSC 5.1.6 Ditiragalo tsa terama e ke tsa bogologolo. A se ke ntlha kgotsa kakanyo. Tshegetsa ka lebaka. (2) 5.1.7 Modiragatsimogolo mo terameng e, ke mang? Tshegetsa ka lebaka. (2) 5.1.8 Go ya ka ditiragalo tsa padi, mofenyi kwa bokhutlong e nnile mang magareng ga Matoko le Lentuwane? (2) 5.1.9 Lentuwane o itsitse jang gore Moeti o tlhokafetse? (1) 5.1.10 Morero wa terama e, ke ofe? (2) 5.1.11 Botlhokwa jwa go nna le ngwana wa mosimane mo go Moeti e ne e le bofe? (2) LE 5.2 NOPOLO J NTESENG: (Ka go seba) Nteseng tlhe, Lentuwane. LENTUWANE: Ooo! Ija! Motho yo ke wena? NTESENG: Ke nna tsala, dumedisa rre yo, ke ena moeng wa rona. LENTUWANE: Dumela rra. O ka nna fa fatshe rra. NTESENG: Mma, rre ke yo. Ke rre Makgolokwe, ke ena yo ke go 5 kaetseng ka ena. LENTUWANE: Ke a leboga. Ke ntse ke go tlhoka rra. MAKGOLOKWE: Ehe! Go rileng mma? Ke fano tswaya ka tsona. LENTUWANE: (Keledi ya rotha) Ke na le mathata rra. Ke kopa thuso mo go wena. Mme yo, ke ena a go nkaetseng. 10 MAKGOLOKWE: Ke nnete. Ena o a nkitse. Ke gakgamaditswe ke pitso ya gago mma. Tota ga a nkamela sepe. Rre wa fa o kae? LENTUWANE: Kwa morakeng, ke kgale a sa tle. MAKGOLOKWE: A o itse sengwe ka pitso e? LENTUWANE: Nnyaya rra, ke kgang ya sephiri. 15 MAKGOLOKWE: Hei! O ka re go tla mpalela. LENTUWANE: Ke a go rapela tlhe! Ke tla go duela ka se o se batlang. MAKGOLOKWE: (A keketega ka ditshego) Wa reng? Ka se ke se batlang? LENTUWANE: Ee, rra, ke a itlhaloganya. Kante o gopotse eng? NTESENG: Lentuwane, a ga o tshware rre? Kana ke bomatlhola-a- 20 dibona. MAKGOLOKWE: Nnyaya, a e nne modiga. Ke ne ke itshegela fela. Re ka tsena mererong. A kgang e tswe go sa le gale, fa ke kgona ke tla thusa. NTESENG: Tsala o bue o phuthologile. Rre yo, o tla go thusa. 25 5.2.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Makgolokwe ke … A rraagwe Lentuwane. B malomaagwe Lentuwane. C tsala ya ga Lentuwane. D ngaka ya ditaola. (1) Kwalololo e ileditswe Phetla"
"Nako e ntsi baithuti ba na le go tlhakantsha matlhaodi le matlhalosi . "
"Seno se ikaegile ka ntlhatheo ya kemommogo, tuelo ka tekatekano gammogo le bokgoni jwa go duela, ka tsela e e netefatsang gore ga gona naga e e tsholang karolo e e sa lekalekaneng ya tekanyetsokabo."
"Gonne mongwe le mongwe yo o dirang bosula o ila lesedi, o a ba a sa tle leseding, e tle e re kgotsa ditiro tsa gagwe di kgalemelwe."
"05Sebueledi sa bosechaba sa COPE Dennis Bloem a re kgato e sa solofelwang ya go timiwa ga tlamelo ya motlakase seshweng jaana, ke teko mo kitsong le bokgoni ba mokhuduthamaga mogolo Andre De Ruyter, jaaka a tlaabo a simolola semmuso tiro ya gagwe gompieno.Lefapha la dipalangwa kwa Kzn la re kotsi ya seshweng e ka baka gore profense e nne gape le palo e kwa godimo ya dintsho mo pakeng ya meletlo."
"E diriswa kwa ntle ga mmele go thusa ka kalafo ya dinthô."
"Mongwe wa bone, go twe Kaiafase, e le moperesiti yo mogolo ka ngwaga oo, a ba raya a re: “Ga lo itse sepe."
"Leetsa mogala - Morutabana o sebela ngwana mo pele sengwe mme ene otshwanetse go sebele yo o mo morago ga gagwe mme go tswelelwe jalo go fitlhela ba fitlkha kwa go wa kwa morago mme ene a bue se ene a se utlwileng . "
"Tse ke tsone ditaolo tse Jehofa o di laoletseng Moše mo thabeng ya Sinai go tla a di naya bana ba Iseraele."
"Badirisi botlhe ba metsi ba ba kwadisitsweng le ba ba nang le dilaesense ba tla lefisiwa tefiso ya tsamaiso ya tlamelo ya metsi . "
"Morago ga bone ga tsamaya Hošaia le bontlhanngwe jwa dikgosana tsa Juta,"
"Kgosi Sebele wa Bakwena ke mongwe wa dikgosi tse tharo tsa Batswana ba ba ileng ba ya ko ga Mmamosadinyana (England) go ya go kopa tshireletso mo Maburung ba ba neng ba ikgagapelela lefatshe."
"E re ka letsatsi la ntlha la beke, a mongwe le mongwe wa lona a beele sengwe fa thoko, ka fa o bonyeng go bapala ka teng, gore e tle e re ke tla, go bo go sa tlhole go na le go phutha."
"Ko bokhutlong jwa aparateiti ka ngwaga wa 1994, fa ba tsere puso le ha ba le gaufi le go tsaya puso batho ba letso la Bantu ba ne tisiwa ko bokhutlong ha go ne go na le diporofinsi tse nne e bong (Cape, Natal, Orange Free State le Transvaal), le diporofinsi tse dingwe tse dintsha. Porovinsi ngwe le ngwe e buswa ke molamente yo o tlhojwang ngwaga tse botlhano dingwe le dingwe tse di tlang, a thlojwa ke bathophi ba party le maloko a party. Moeteledi pele wa party kana tautona o tlhopha mopalamente wa pelo ya gagwe e le moeteledi pele wa goromente, moteledipele o tla bo a apela matona a puso di porofinsi go ya ka di porofinsi le kitso ya bone. Dithata tsa ba okametseng di porofinsi ke laolwa ke mekolo wa molao; engwe ya dikgang tse di akaretsa botsogo, thuto, mantlo a sechaba le dipalamo tsa sechaba."
"Kgotlatshekelo nngwe le nngwe e e nang le bokgoni e ka dira tshwetso ka"
"Ke tlaa tla koo go lona ke sena go ralala Maketonia; gonne ke tlaa bo ke ralala Maketonia;"
"Moraka-pitse Lebowa"
"Le fa go ntse jalo , baithuti ga ba a tshwanela go kampana le dielo tsa tlhatlhobo di le makumaganyane . "
"“Lo tlaa ikgaoganyetsa lefatshe leo jalo ka fa ditsong tsa Iseraele."
"Ke tlaa go naya mahumo a lefifi, le dikhumo tse di subegileng tsa mafelo a a fitlhegileng, gore o tle o itse fa ke le Jehofa, yo ke go bitsang ka leina la gago, yo ke bong Modimo wa Iseraele."
"Ašere ga a ka a leleka banni ba Ako, le fa e le banni ba Sitone, le fa e le ba Ahelabe, le fa e le ba Akesibe, le fa e le ba Heleba, le fa e le ba Afike, le fa e le ba Rehobe;"
"Go na le dikgang tsa go nyelela ga batho fa ba ka tshokane ba tlodile meila mengwe ya ngwao."
"0700 0900 le Lebo MokgatlhaKe eng se mme mogolo kgotsa rre mogolo a se ratang thata mo tlong mme lona le sa tlhole le se batla, ebile se a le lwesa selo seno"
"Motlhankedi wa tikologo yo o nang le maikarabelo a ka laela mongwe le mongwe yo o kgotlelang tikologo go tsaya dikgato tsa go siamisa , fa motlhankedi yo o nang le maikarabelo a sa dire jalo , leloko lengwe le lengwe la setšhaba le ka dira kopo ya kgotlatshekelo go gatelela tiro e e mabapi le tlhokomelo ya tikologo . "
"Go ya ka mokgatlho wa The South African Show Poultry Organisation, nonyane ya ntlha ya mofuta o go gorola mono Afrika Borwa e fitlhile ka 1947."
"maindia ke batho ba aferika borwa ba falalile go india kgale ka seisimane ba bitša indians goba asians maindia ba šala gagolo mo porofense tša kwazulu natal image navi pillay june jpg ms navi pillay image hashim amla jpg cricketer hashim amla image pravin gordhan world economic forum annual meeting jpg minister pravin gordhan image ebrahim patel world economic forum on africa jpg minister ebrahim patel"
"Re diragatsa mananeo a mofuta o mo mafelong a le supa mo nageng . "
"“Wena, morwa motho, perofesa o re: Morena Modimo o bua jaana ka ga bana ba Amone, le ka ga kgobo ya bone; mme o bue, o re: “ ‘Tšhaka, tšhaka e somotswe, e gotlhetswe kgailo, go e laidisa; gore e nne jaaka tladi;’"
"Dilo tsotlhe di tshwanetse go supiwa mo sephuthelong se se ka fa ntle ka nomoro le leina jaaka di tlhagelela mo sejuleng ya taolo ya direkoto gammogo le ka taelo e e maleba ya tshenyo . "
"13DIKGANG Moeteledipele wa EFF Julius Malema a re ga gona bopaki ba gore o tsweleditse bogwengwene mo morerong o o ka ga tlhatlharuane ya VBS Mutual Bank, mme o malala a laotswe gore go tswelediwe boruni bo bo ka mokgwa o a tshelang ka gone le merero ya matlole a gagwe.Komiti e e ka ga merero ya dimenerale le Energy e kaile fa e swabisitswe ke go diegisiwa ga go bulwa gape ga moepo wa Lilly kwa Lows Greek kwa Mpumalanga, le go rarabololwa ga mathata a moepo wa Optimum kwa Middelburg."
"Motho yo o rwalang maikarabelo a lekgetho la tlaleletso o tshwanetse , mo matsatsing a le 30 a go rwala maikarabelo ao , a dire kopo ka go kwala kwa kantorong ya selegae ya lekala ya SARS . "
"Molaotheo wa Repaboleki ya Aforikaborwa ( Molao 108 wa 1996 ) o kaya ka tlhamamo gore mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya phitlhelelo go tshedimosetso efe kana efe e e tshwerweng ke Naga le tshedimosetso efe kana efe e e tshwerweng ke motho yo mongwe e e tlhokelwang tiragatso kana tshireletso ya ditshwanelo dife kana dife le gore peomolao ya bosetšhaba e tshwanetse go dirwa molao go neela sephetho mo tshwanelong e . "
"Tsheko ya gagwe e simolotse ka Sedimonthole wa 1969 mme a feleletsa a golotswe kwa ntle ga go bonwa molato."
"molalatau ke motse mo kgaolong ya legare mo botswana bonwa kwa botlhaba jwa nko ya botswana mo teng ga sekgele sa dikhilomethara tse di makgolo le zimbabwe gape le afrika borwa mo palo bathong ya ngwaga wa dipalo di ne di le tsa batho ga gona sepe se banni ba ikaegileng ka sone go tsholetsa itsholelo ya bone ka gore banni ke balemi ba ba lemelang go itsetsa molalatau biditswe ka leina la noka fetang mo bokone jwa motsana gape bonwa mo sekgeleng sa dikhilomethara tse di masome mabedi go tsweng motseng wa bobonong yo eleng one fang ditirelo mo kgaolong banni ba molalatau ke babirwa gape ba bua puo ya sebirwa ka tlholo ba tswa kwa botlaba jwa nko ya lefatshe mo lefelong go dikologa fa dinoka di kopanelang teng ya limpopo le motloutse ba ne ba patikiwa go tswa mo lefelong le ke barongwa ba ga mmamosadinyana go fa kompone ya british south africa company eileng ya fiwa lefatshe le ba atlolosa boleele jwa noka ya limpopo mo teng ga botswana ke khama iii batho ba ba ne ba eteletswe pele ke kgosi malema morago ga go nna le dikgogakgono le puso ya barongwa ba ga mmamosadinyana direla go tsweng serowe dikhutlola dingwe di tla seegelwa fa thoko mopalamente wa bobirwa rre shaw kgathi re ka ntata ya kwelo tlase ya itsholelo ditiro dingwe tsa ditlhabololo di tlaa seegelwa fa thoko lefatshe ka bophara go balelwa kgaolo ya bobirwa re mafatshe neng reka diteemane tsa lefatshe leno le ne amilwe ke kwelo tlase ya itsholelo re seemo se se ka nna sa felela se bakile go kgaolwa ga babereki mo ditirong legale mopalamente re mme tlaare fa seemo sa itsholelo se ka tokafala ke gone ditiro tse di tlaa dirwang tlhalosa fa go na le tse di tlaa tswelelang di dirwa jaaka go agwa ga letamo la thune le reng go setse go simolotswe go agwa ga matlo bodiredi le go betlwa ga tsela ya bobonong tsetsebye rre kgathi yo neng buisa diphuthego tsa kgotla kwa metseng ya motlhabaneng mathathane le molaladau boletse fa go le botlhokwa gore setshaba se nne le seabe mo ditlhabololong le go thusa go atolosa itsholelo go na le go baya fela pusong kgathi yo gape leng tona wa banana metshameko le ngwao re dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse le dingwe di tshwanetse tsa tswa ka maano go dira madi ka ditsela tsedi farologanyeng go tlhabolola metse ya bone mo dikganyeng tse dingwe mopalamente gwetlhile batsadi go tsaya thuto ya bana ka tlhwaafalo mme ba tshwaragane le barutabana ka jaana thuto le yone motswedi wa botshelo mo matshelong gompieno diphetogo re ba rotloetse bana go itebaganya le dithuto tsa bone go na le go inaakanya le nno tagi boganana tsa marato le ditiro tsa borukhutlhi ka gore dika ba senyetsa bokamoso jwa bone re ba ba feditseng sekole ba sena ditiro ba inaakanye le mananeo banana dithuso go itirela bokamoso edit banni ba akgolwa legale rre kgathi ne akgola dikole tse di dirileng sentle mo maduong ngogola re ba itsolopanye go dira ka bonatla go feta fa ba dirileng teng re mme tse di saletseng kwa morago kopa barutabana ba ba neelang tshwene marapo go dira natla ka gore metlha ga se ya maloba ka jaana go berekwa ka dielo re bone le barutabana ba neetswe thuto ba sologetseng moelemo mo matshelong bone mme le bone ke tshwanelo gore ba neele bana thuto tla solegelang molemo bokamoso jwa bone bile kopa banni ba metse gore fa ba na le mathata tlhokanang le thuso ya gagwe ga ba tshwanela go emela diphuthego tsa kgotla re ba ikopanye le ba ofisi ya gagwe ya ga molaodi kana ya mogolwane wa khansele go kopa thuso modula setilo wa lekgotlana la kabo ditsha la bobonong rre morgan makgasane re ba dumalane gore gonne le koketso ya lefatshe kwa ba ka atolosetsang ditsha tsa masimo batho ba motse wa motlhabaneng teng rre makgasane re sebe sa phiri ke gore ba na le bothata ba gore batho bangwe bane ba ipeile masimo reng ka dira gore bangwe ba tlhaelelwe ke lefatshe modulasetilo re ba setse ba segile ditsha tsa masimo motse oo dile masome mararo mme ba tsweletse ka go sega re bothata jo bongwe ke gore lefatshe la bone le na le matlapa mantsi le melapo mme se se bo dira gore lefatshe le ngotlege fela jaaka kwa metseng mopalamente tshwareng diphuthego kwa go yone banni ba metse ba supile matshwenyego mabapi le bogodu jwa loruo jo ba reng bo dirwa ke batho ba lefatshe la zimbabwe banni ba motlhabaneng ba ne ba ngongoregela gore batlhoki ga ba thusiwe sentle le gore bana ba sekole ba ba tlhokang ba thusiwe go fitlhelela ba fetsa dithuto tsa bone gona le gore ba thusiwe go ema bale dingwaga dile mogolwane wa boipelego rre sandy molosiwa re bana ba ba tsenang sekole ba thusiwa go fitlhelela ba fetsa dithuto tsa bone fa ba sekasekilwe go bonnwe letlhoko la bone dikgoge tsa kwa ntle botswana molalatau dipadi tse dingwe"
"tlhabololo ya bokgoni le katiso le"